MOTLHAGOLATSELA
WA TSHEKATSHEKO YA DIPANELE
KA GA BOGOLE
LE
TLHOKOMELO YA BOIKAEGO
SEDIMONTHOLE 2001
LEFAPHA LA TLHABOLOLO YA LOAGO
TSAMAISO YA DIPANELE TSA TSHEKATSHEKO
MATSENO
Dimametlelelo tsa Molawana wa Molao wa Thuso ya Loago No. 59 wa 1992, go diragatswa go simolola ka la 1 Sedimonthole 2001, di dira tshiamelo ya go tlhomiwa ga dipanele tsa tshekatsheko, tse maloko a tsone a tla supiwang ke Mokaedikakaretso, go sekaseka tshedimosetso le go tlhomamisa bogole le tlhokomelo ya boikaego ka maikemisetso a go neelana ka dikabelo.
MAIKEMISETSO A DIPANELE
Go netefatsa gore tshekatsheko ya bogole le tlhokomelo ya boikaego e dirwa ka mokgwa o o fitlhelelwang, o o botsalano le o o bolokang madi.
Go bebofatsa tshwaragano ya ditirelo tsa loago le thuso ya loago go netefatsa gore batho ba bona ditirelo tse di lolameng.
Go romela batho kwa metsweding mengwe go bona thuso fa e le teng.
Go netefatsa gore ditshekatsheko di konoseditswe le go romelwa kwa ofising e e maleba go dirana le kopo mo sebakeng se se kailweng ke Lefapha.
Go tlamela mokopi tshedimosetso e e maleba go tlatsa kopo ya kabelo.
THULAGANYO YA DIPANELE
Botokololo jwa Dipanele
Maloko a panele a tla kgotsofatsa ditlhokego tsa Molawana 2 (a) wa Melawana ya Molao wa Thuso ya Loago No. 59 wa 1992 jaaka o mametleletswe go simolola ka la 1 Sedimonthole 2001. Batho ba ba latelang ba ka supiwa mo paneleng:
Motlhanedimogolo wa tshireletso ya loago.
Moalafi ka tsosoloso mooki, modirediloago, moalafi wa tiro, wa saekholoji, wa kutlo le pono.
Moemedi go tswa kwa lekaleng la bogole kgotsa leloko le le tlotlegang la setšhaba e bong moruti, kgosi, magiseterata, kgotsa motho yo o itseng setšhaba le maemo a sona iv. Ma/leloko mangwe le mangwe a tlaleletso, fa go tlhokega, jaaka go ka nna maleba mo kopong e e riling e bong ya ngaka kgotsa ngaka e e kgethegileng, saekhaetrisiti, badiredi ba tsa boitekanelo, ngaka ya setso, go umaka maloko a a mmalwa fela.
Lefapha le tla tlamela tshegetso e e botlhokwa ya tsamaiso.
Motlhankedigolo wa tshireletso ya Loago:
O bitsa dikopano
E nna modulasetilo wa dikopano.
O fa panele dikaelo, didiriswa, dipholisi le peomolao e e laolang kopo ya dikabelo
Go bebofatsa katiso ya maloko a panele.
Go netefatsa rekhoto e e nepagetseng ya tsamaiso ya dikopano tsa dipanele.
Go netefatsa go fediwa ga ditshekatsheko ka nako.
Go bebofatsa dithulaganyo tsa mokopi, fa go ka tlhokega tshedimosetso e nngwe, go konosetsa tshekatsheko.
Go netefatsa tiragatso ya kopo ka nako. Motlhankedi o tshwanetse go ikgolaganya le badirammogo ba gagwe mo ofising go netefatsa gore dikopo tsa batho ba ba tlaleditsweng diforomo tsa tshekatsheko di diragaditswe.
Go dira jaaka mogokaganyi magareng ga maloko a panele le Lefapha.
Moalafi wa Tsosoloso
Ke moitseanape mo paneleng tebang le tshekatsheko ya bogole or tlhokomelo ya boikaego.. Moalafi o tla sekaseka tshedimosetso le kgotsa a tlhatlhobe mokopi, mme a dire tshwetso e e siameng ka ga bogole jwa kgotsa tlhokomelo ya boikaego ya mokopi.
Moalafi o tshwanetse go netefatsa gore diforomo di tladiwa ka nepagalo le ka nako tebang le bogole kgotsa tlhokomelo ya boikaego.
Moemedi wa lephata la bogole kgotsa leloko la setšhaba le le tlhaloganyang setšhaba le maemo a sone o tshwanetse go netefatsa gore mokopi o itemogela mathata a bogole kgotsa tlhokomelo ya boikaego.
Go netefatsa go konesediwa ga tshekatsheko ka nako.
Go bebofatsa go fitlhelwa ga panele ke setšhaba ka go neelana ka tshedimosetso ya gore go ka fitlhelelwa jang batho segolo thata bao go leng boima go ba sekaseka, ba ba nnetseng ruri kwa gae kgotsa ba ba tlhokang, mme ba se na kitso ka ga kabelo.
iv. Ma/leloko la tlaleletso e ka nna ngaka ya setso, ngaka, moalafi kgotsa moitseanape go tswa lephateng lengwe le lengwe.
Ngaka e a sekaseka, mme e dire dikatlanegiso ka ga bothata jo bo tlholang bogole kgotsa tlhokomelo ya boikaego jwa nakwana kgotsa jwa leruri jwa mokopi.
Go netefatsa go konosediwa ga tshekatsheko ka nako.
Go netefatsa gore go neelwa mabaka a a tlhomameng tebang le katlanegiso e e riling.
Go tlamela tshedimosetso ya gore bothata bo ka laolwa, ba baakangwa kgotsa ba fodisiwa jang.
Bogolo jwa Dipanele
Panele e tla dirwa bonyane ke maloko a le 3 le bontsi jwa maloko a le 6.
Mefuta ya Dipanele
Dipanele di ka supiwa go phatlhalala le setereke kgotsa kgaolo kgotsa di ka supiwa kwa lefelong le le lengwe mme tsa dikologa dikgaolo kgotsa ditereke ka dipaka tse di tlhomameng kgotsa tse di farologaneng. Porofense e tla tlhomamisa mokgwa wa tiragatso o o bokgoni le o o maleba go latela maemo a yona a a kgethegileng.
GO SUPIWA GA MALOKO A PANELE
Tlhogo ya Lefapha e tshwanetse go rebola go supiwa ga maloko a panele. Maloko a panele a ka supiwa ke Tlhogo ya Lefapha ka dikatlanegiso go tswa kwa mekgatlhong ya setšhaba, baeteledipele ba setšhaba kgotsa batho ba ba nang le kgatlhego.
Paka ya Maloko a a Supilweng
Maloko a a thapilweng leruri ke Lefapha a tla dira sebaka se Tlhogo ya Lefapha a bonang se le maleba. Maloko a panele a a sa thapiwang ke Lefapha a ka dira sebaka sa dikgwedi di le 24, mme ba ka se supiwe go feta sebaka sa dipaka tse pedi ka tatelano.
Tshiamelo ya go Supiwa
Maloko a tshwanetse go nna le kitsonyana ka ga bogole kgotsa tlhokomelo ya boikaego.
Leloko le tshwanetse go itse kgotsa go itlwaetsa maemo a loago le ekonomi a kgaolo kgotsa setšhaba se a supiwang mo go sona.
Maloko a tshwanetse go ikemisetsa go tsenela dikatiso tse di rulagantsweng ke lefapha.
Go se letlelesege go nna Leloko la Panele
Batho ba ba ka se keng ba rweswa maikarabelo a ditiro tsa bone ka ntlha ya tlhaloganya e e sa itekanelang.
Batho ba ba tshwaretsweng bogodu, tsietso, bobodu kgotsa ditlolomolao tsa bosenyi kwa ntle ga melato ya pharakano.
Batho ba ba ganang go tsenela katiso e e rulagantsweng ke Lefapha.
Dikopano
Dikopano tsa dipanele di tla bidiwa ke Lefapha, le le tla neelanang le ka tshegetso e e tlhokegang. Lefelo la dikopano, matlha le tatelano ya dikopano di tla tlhomamisiwa, tsa netefadiwa le go itsisiwe mokopi ke Lefapha fa mokopi a ikgolaganya le Lefapha go dira kopo.
Go Supiwa ga Maloko a Mangwe
Tlhogo ya Lefapha e ka supa maloko a mangwe go dira mo paneleng, fa maloko a leruri a se teng. Mokgwa wa go supa maloko a mangwe e tla nna o o tshwanang le wa go supa maloko a leruri.
Leloko lengwe le lengwe le le ka lofang dikopano tse tharo ka tatelano, kgotsa a rola tiro o tla tswa mo botokololong, mme se, se tla pateletsa Tlhogo ya Lefapha go tlatsa phatlha ya penele ka bonako.
MOKGWA WA MAITSHOLO
Maloko otlhe a a supilweng mo paneleng a tla tshwanela ke go obamela mokgwa wa maitsholo o o latelang:
Maloko a tshwanetse go tsepama le go se tseye latlhakore mo dipuisanong tsa bone ka ga ditshekatsheko.
Maloko a tshwanetse go tshola dintlha tsotlhe tse go builweng ka ga tsone e le sephiri, segolo thata ditshwetso tse di tserweng le maina a batho ba ba sekasekiwang.
Maloko a tshwanetse go nna mo nakong kwa dikopanong, mme ba nne teng mo kopanong go fitlhela kwa bokhutlong jwa di/panele.
Maloko a tshwanetse go tsenela dikopano ka mogopolo o o itekanetseng.
Maloko a tshwanetse go itsise dikgatlhego tsa bone tebang le tshekatsheko, fa dikgatlhego tsa sebele di le teng kgotsa di ka nna teng.
Maloko a tshwanetse go senolela Lefapha maemo a bone ka botlalo tebang le temana 4.3
MAIKARABELO
Motlhanedi wa tshireletso ya loago gammogo le leloko lengwe le lengwe la panele ba tla rwala maikarabelo a bokgoni jwa panele. Panele, ka modulasetulo wa yona, motlhankedi wa tshireletso ya loago, e tla begela Tlhogo ya Tshireletso ya Loago ka ga mabaka a a tlhomamisistweng ke Tlhogo ya Tshireletso ya Loago, ka ga bokgoni le botswerere jwa panele. Tlhogo ya tshireletso ya Loago e tla tlhokomela ditiro tsa panele, tumalano ya yone le ditlwaelo tse di kailweng tebang le tshekatsheko le go romela kwa bathusing ba bangwe fa ba le teng. Dikatlanegiso tsotlhe tse di dirilweng ke panele di tshwanetse go rebolwa ke Tlhogo ya Lefapha. Maloko otlhe a panele a rwele maikarabelo a ditiro le ditshwetso tsa panele go Tlhogo ya Lefapha ka Motlhankedi wa tshireletso ya Loago le Tlhogo ya Tshireletso ya Loago ya Lefapha.
TLHAELETSANO
Dikatlanegiso tsotlhe le dintlha tsa panele di tla itsisiwe Tlhogo ya Lefapha ke motlhankedi wa tshireletso ya loago yo e leng modulasetulo wa panele ka Tlhogo ya Tshireletso ya Loago. Panele e tshwanetse go itsise motho kgotsa batlhokomedi ba motho yo o sekasekiwang ka ga dipholo tsa tshekatsheko go tswa kwa Lefapheng. Tlhogo ya eLefapha e tshwanetse go kwalela itsise mokopi dipholo dipholo tsa tshekatsheko le ditlamorago. Fa kopo e sa atlega kgotsa fa kabelo e neetswe mo nakong e khutshwane mokopi o tshwanetse go fiwa mabaka a teng, gammogo le tshwanelo ya go ka dira boikuelo kgatlhanong le tshwetso le go itsisiwe ka thulaganyo e a tshwanetseng go e sala morago fa a dira boikuelo. Tlhogo ya Tshireletso ya Loago ya Lefapha e tshwanetse go netefatsa gore dithulaganyo di siame go itsise batho ka ga go nna teng, sebaka le lefelo la di/panele tsa tshekatsheko. Se se ka dirwa ka bobegakgang, makwalo a a tlhamaletseng kgotsa phasalatso ya tshedimosetso ka manane, diphamfolete le ka puo ya molomo kwa diofising tsa disetereke, kwa mafelong a go golelwang kwa go ona, kwa Diofising tsa Poso le kwa mafelong a mangwe a a fitlhelelwang bonolo.
DITŠHELETE
Ditshenyegelo tsotlhe tebang le dipanele di tshwanetse go rebolwa ke Tlhogo ya Lefapha go ya ka Molao wa Tsamaiso ya Ditšhelete tsa Setšhaba, Melawana ya teng le ditlwaelo tsa botsholamatlotlo.
Ditiro tsa Dipanele
Tshekatsheko ya Bogole kgotsa Tlhokomelo ya Boikaego: Motho a ka tlhagelela ka nosi fa pele ga panele le kgotsa a neelana ka tshedimosetso mo foromong e e beilweng, jaaka e tlhokega tebang le tshekatsheko kgotsa tekanyetso. Diforomo tse di beilweng di tla fetisediwa kwa paneleng ke
Lefapha. Fa go na tshedimosetso nngwe e e tlhokegang, go tswa mo motsweding mongwe go na le mokopi, go tsaya tshwetso e e botlhale, panele e tla bona tumelo e e kwadilweng go tswa go mmokopi go ka bona tshedimosetso. Fa tshedimosetso e nngwe e e batlegang e le e e kgethegileng, mme e se ka fa tlase ga bokgoni jwa panele panele e tla tshwanela ke go dira dithulaganyo tse di maleba gore mokopi a kgone go ka neelana ka tshedimosetso. Gape panele e ka amogela tshedimosetso ya puo ya molomo go tswa kwa mmueleding mo boemong jwa motho yo o sekasekiwang, fa tshedimosetso e sa kwadiwa kgotsa motho a sa kgone go tlhalosa maemo a gagwe.
Go neelana ka dintlha go kwa dithulaganyong tsa bosetšhaba go tokafatsa kgotsa go natlafatsa tiro ya dipanele.
Go neela ka dintlha go fetola mokgwa o o dirisiwang go sekaseka bogole kgotsa tlhokomelo ya boikaego.
Tiragatso ya katiso kgotsa dikopano tsa tshedimosetso ka ga tshekatsheko ya bogole kgatsa tlhokomelo ya boikaego.
Go romela batho kwa mafelong a boitekanelo go bona tlhokomelo ya kalafi le go tlhokomelwa go ya ka dikatlanegiso tsa mafelo a boitekanelo.
Go tlamela motho yo o sekasekiwang tshedimosetso ka ga dithuso tse dingwe, fa di le teng, tse di ka thusang motho kgotsa dingwe tse di ka thusang ka ditirelo dingwe.
Go tlamela mokopi ka tshedimosetso e e maleba go tlatsa foromo ya kopo ya kabelo.
Go eletsa le go rotloetsa batho go batla mekgwa mengwe ya go ikemela mo ikonoming fa ba sa golofala, gore ba se ka ba nna ba nnela go dira dikopo, mme ba baka go imelega ga tiro.
Lefapha la Tlhabololo ya Loago
